Bagolo Ba buile ke padi e e tseneletseng thata mo ditiragalong tsa bogologolo tsa setso. Monnamogolo Tsweke, rraagwe Ditau o ne a setse a iketse bagolong. Mokone wa go ila tlhantlhagane e rile pele ga ikela boyabatho a bo a utlwana le Kgosi Pilosamadiba Mminakwena, mongwe wa magosi a a gaufi le ene. Mo kutlwanong eo ya bone Kgosi Tsweke o ne a buile gore mora wa gagwe Ditau o tshwanetse go nyala Thabiso morwadia Kgosi Pilosamadiba nako e Thabiso a setseng a lekane go nyalwa. Kgosi Tsweke o ne a gateletse gore Ditau a dire jalo pele ga a ka bewa mo setilong sa bogosi. Thabiso o ne a sa le mmotlana fa Kgosi Tsweke a metswa ke mmu wa lefatshe.
Rasuwa rangwanaagwe Ditau a nama a tshwaraletse Ditau bogosi, ka kitso ya gore o tla a bo busetsa Ditau mogang a diragatsang taelo ya ga rraagwe. Ditau o ne a sa le mosimane.


Reviews
There are no reviews yet.