Mo pading mosetsana Tseneke o fapoga tsela ya tshiamo a bo a tshaba sekolo a le mo mophatong wa boraro. Mosetsanyana yo Tseneke, o ne a le mo patlong ya botshelo jo a ithayang a re bo botoka kwa Majwemantle. A tlogela rraagwe le mmaagwe boora Molayi ba ntseng ba wa ba tsoga ka ene go mmatlela isago e e molemo. O kopana a bo a nna tsala le Lekgela a sena go mo fa boroko mo mokhukhung wa gagwe. Mmaagwe Tseneke a bolawa ke maru a tladi nngwe ya ditirigalo tse di neng tsa futsafatsa Tseneke. Tseneke a nna le kgatelelo ya maikutlo ka a ne a ketefaletswe thata mme a felela a ile kwa legaeng la ba ba ketefaletsweng go sidilwa maikutlo kwa a nnileng teng dikgwedi di ka nna tharo. O ne a ikutiwa a fodile maikutlo le tlhaloganyo, mme basidulle ba monagano wa motho ba mo rekela motšhini wa go dira di pop-corn kgotsa dithuthupa le wa go dira di chips go ipulela kgwebo.


Reviews
There are no reviews yet.