Lesedi le Seabolo ba palelwa ke go tshola bana morago ga dingwaga tse tharo ba ntse ba le mo nyalong e e boitshepo. Tlhoko tsholo e e tlisa kgotlhang fa gare ga ga Lesedi le monna wa gagwe Seabolo, rraagwe Seabolo e bong Mosotlha, le mmaagwe Lesedi e bong Gaboyo. Seabolo le Mosotlha ba supa Lesedi ka monwana ba re ke ene modi wa go tlhoka tsholo ebile Mosotlha o rotloetsa ngwana wa gagwe go nyala motho yo o ka mo tsholelang ngwana ka Lesedi o palelwa ke go tshola. Kgotlhang e e kukela mo Lesedi a raelesegang go dumalana le tsala ya gagwe Banose go utswa ngwana kwa bookelong jo a berekelang kwa go jone. Lesedi le Banose ba dumelana gore Lesedi a tshele jaaka ekete o moimana go fitlhela nako e ba e dumelaneng ya go utswa ngwana e tla.


Reviews
There are no reviews yet.