Latlou a itsalanya le Letikana gore a tle a mo thuse mo ditirong tsa gagwe tsa borukutlhi, mme a mo okisa jaana ka go reka manyena a a neng a a ithekisetsa go itshetsa. Latlou le Letikana ba kgothotsa sejanaga se se rwalang madi sa G6S ba bo ba bolaya mokgweetsi wa sone ebong Rre Seofeng. Latlou o lobela Letikana dintshi ka a batla go ja madi a le nosi. Morago ga tiragalo e, Rabelenyane o itshelela kgetsi tsa madi ka tsholofelo le kitso ya gore ga a bonwe ke ope. Kante legodu la madi ebong Latlou o bataletse gaufi le ene o mo lebeletse e bile o ikana gore o ya go tsaya se e leng sa gagwe se a se huhuletseng. Rabelenyane o siya ka madi ka Latlou o ne a nna fela a mo setse morago.


Reviews
There are no reviews yet.