0
Your Cart

Ga se bipiwe! Sephiri ga se bipiwe ka gonne fa se ka bipiwa bogolo jang ka nako e telele, se nna jaaka lekgwamolelo le le ka rutlomologang nako nngwe le nngwe. Se nna jaaka pitsa e e kgabakgabang. Sephiri ke boladu jo bo dutelang mo tlhaloganyong ya motho. Mogang sephiri se bipologang go nkga go sa bola.

Go bipa sephiri ka nako nngwe go tlisetsa batho dingalo ka gonne go sa tlhaloganyege gore matsapa di tla bo di a tsaya kae. Kgotlhang e bo e kukela mo gare ba batho ba babedi kgotsa ‘sika loo motho, fela jaaka molelo wa setlha sa mariga wa go tlhotlhetswa ka sibi sa kgomo.

Go bipa sephiri, segolo thata sa bolwetse, ke go itsenya dingalo fela. Motho o ka gora kika fa a bipa sephiri bogolo jang sephiri sa bolwetse. Sephiri sengwe le sengwe se na le letsatsi le se bipilogang ka lone. Batho ba ka itemogela kgotlhang kgotsa batho ba itshwarelana fa sephiri se bipologa.

Reviews

There are no reviews yet.

Be the first to review “Ga Se Bipiwe”

Your email address will not be published. Required fields are marked *