0
Your Cart

Nako nngwe e ne e le bosigogare, ya tlhakana tlhogo kgomo e bidiwa Nareetshwana. E ne e a utlwile. Ya goga moraka ya inaya naga. Baile o ne a di utlwa di tlhaga lesaka, mme mosimane a ingaralatsa fela ka jaana serame se ne se le bogale thata. A ikhurumeditse ka lepai la tonkana mosimane, a sa batle le gone gore go ka tsena le fa e le phefonyana e e neng e utiwala botsididinyana jwa yone bo ka gatsetsa motho ka ponyo ya leitlho. A solofela gore e tlaa re ka malmbe a naka tsa kgomo, a utiwe monnamogolo mongwe kgotsa mosadimogolo mongwe a tia ka kgang ya majo a dikgomo, mme ga se me jalo.

Nako nngwe MmaBaile, mosadi wa ‘tsopa la maloba, o ne a bonwa a eta a babaela ekete motho a gatile kgoteletsa. Ya re a sena go inamela matiharapana, a atamela Segogojane moagisanyi nae. Moagısanyi yo e leng ene ba neng ba ntshana se inong mo kgotieng ya Babinankwe ba Garanta Boammmaaruri Segogojane a mo plma ka santihoko mo matlhong!

Reviews

There are no reviews yet.

Be the first to review “Nong go rakalala”

Your email address will not be published. Required fields are marked *